SALEME 124 TSW70 DIPESALEME 124 A go bakwe mogolodi wa Iseraele 1Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela - a Iseraele a re jalo - 2fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela, jale fa batho ba re tsogela, 3foo ba ka bo ba re meditse re sa phela, jale fa ba re tukela bogale. 4Foo noka e ka bo e re gogotse, metsi a ka bo a re betile. 5Foo metsi a a gogomogileng a ka bo a re khurumeditse. 6A go bakwe Morena yo o sa re tlogelelang go garolwa ke meno a bona. 7Mewa ya rona e falotse jaaka nonyane mo mutlwaneng wa mothaisi; mogala o kgaogile, mme rona re falotse. 8Thuso ya rona e mo leineng la Morena, Modiri wa legodimo le lefatshe