Тёмный
No video :(

George Swabi - Bagammangwato ba ga Mabiletsa. 

katlego Gosiame 🇧🇼
Подписаться 445
Просмотров 40 тыс.
50% 1

Resemblance song of Ratsie Setlhako -( Mponwane) then ATI ft Dj Kuchi
( Maponapona)
BAGAMMANGWATO BAGA MABILETSA ka George Swabi lyrics 🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶
Bagammangwato baga Mabiletsa
Le kile la biletsa Sekgoma ntwa
Sekgoma ka ele ngwana wa monna
Sekgoma le ene a le e biletsa
Ke gakgamala ka go sala ke eme!
kile ra di leleka dikolobe
Kwa mogobeng wa Lephuratshukudu
Kare ke gata e ntsho ka relela Kgabagare
ka gata ka mponwane
Mponwane wa batho moragano
Motho o abo a roga mogolowe
A mmala makotikoti a selo
Makotikoti a go tshabela pula
A go tshabela medupe e thibile!
Tsomi ba le tsomelang metlhabeng
Le seka la bolaya bommatswale
Ba basetlha ba tshwana le dikgokong
Dikwalata dikukama di moetse
Ke dilo tsa go tsena mo sakaneng
Bashimane ba tlhola ba di disitse!
Bagologolo ba pele le akile
Ga le are ngwana o tsewa nokeng
Nna ke bapa le noka kana ke mo tlhoka
Nna ke gakgamala ka go sala ke eme!
Ga le are noka ga di etelane
Ntha Shashe o etela Motloutse Dinokane o tshela ko Mahalapye
Nna ke lapisitswe ke go tlhataganyetsa
Nna ke lapisitswe ke go tlhataganyetsa
Ka gobane ke tsaya matlhaku kgakala
Mmasephankga sutelela koo
Mmasephankga sutelela koo
O adile phate wa ala sekoko
Dinape tsa phate di a mpolaya
O seka ware o le mogapa wa inama
Nta di tla tsena mo leitlhong
Di itshema ele momeno wa kobo.
Moshimanyana ke wena o lemetse
Moshimanyana ke wena o lemetse
Ka o lemaditswe ke basadi ba batho
Ka kerile ke go bolelela wa nyatsa
Kere tswai gale phutlhelwe ka tshega
Ke tlhokile nyatsi ka tswa letlakala
Ka tswa nkgori wa mabinagotsholwa,
Se mphoephoe marago ke ala
Mme ke ale otle ose bolele
Re babedi fela ga gona wa bone
Re okeditswe ke mojako wa ntlo.
Phempheretlhe kgomo e tshunyana
Kgomo ka pheretlha wa’ Majweng
Ka go bona tsa Mmangwato di lemile
Gadi a lema tsa thuba nketana
Nketana tsa mo rwala ka mogotswana
Kgatana erile e bona e tsofetse
Ya itsa tse dingwe kana go tshameka
Yare ntswang ntswang ke a naiwa.
Lese bone seporo go namalala Kwa Lebatse (Lobatse) se bowa se ikgarile…
Nna ke tsamaile le mmata re batla
Re fithetse mogabala o budule
Erile a o namela ka kanama Ke raya gore ketle ke mmonele iyelele!
Tsaga mmata kana di a nkgatlha
Di mela di dikologa dikgokgotsho
Di editse maboana a Shalakwe iyelele!
Nna ke palame Taukome ka relela
Naga ka tsena ka Mabeleapodi Basadi ba teng ba choma Sekgoa
Banna ba teng ba bua Sesarwa
Hatshe nkabe le rekwa kale reka
Ke kabe ke reka Mabeleapodi
Kake mogogoro wa phuti ke bapotswe
Ka ke are ke oma ke raga dimapo
Ka mosenya yo motonanyana setlhodi
Lentsitsiropi setlhola baeng
Noga ya matodi e loma bosigo
E are e loma ebe e fodise
Nna ke tsamaile le mmatli maloba
Dilo tse dingwe kana dikgolego!
Batho lebang fa godimo le bone
Borokgwe bo itsamaisa sesole
Bo gata ka tlhobane tsa sepodise
Batho utlwang kwa nokeng le utlwe
Ka Letlameto le sheleketisa Kwena
Letlameto le bua sengwe le Kwena
Mme ka gakgamala ka go sala ke eme! 🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶🎶

Опубликовано:

 

14 авг 2024

Поделиться:

Ссылка:

Скачать:

Готовим ссылку...

Добавить в:

Мой плейлист
Посмотреть позже
Комментарии : 20   
@oneseitei9191
@oneseitei9191 Час назад
Setswana se se ntsi,I was lost all the way
@MrTsetse1986
@MrTsetse1986 3 года назад
Tanki tlhe borra, ha re batho ba tshwanetse go tsumiwa, ba ise ba relatlhegele.very nice,tah
@selloletlalo5000
@selloletlalo5000 2 года назад
Piletjie ba ba biletse kgakala ko seeding sa Modimo yo a phelang ba tswe lehihing le le tsho ba bokgopo bjwa lehatshe ba biletse Moreneng ba sokologe tseleng tsa bona tse dimpi amen. Ke bone ba ga Mabiletsa bao.
@mosopologoletlalo-ks6hg
@mosopologoletlalo-ks6hg Год назад
Kgosi Mangwato Manthata ga e sale a re tlogela a hlokagala Mme joanang re setse mora 'agagwe Kgosi Kgotloana/Kgotloana Manthata,mong mabu segatakaboya Kgosi ya rena, thobela amen.
@bensonselebogo2768
@bensonselebogo2768 Год назад
Modimo o jeleng nkabo le nna o ka nja, more o motona banna tlhe ke a le rapela🎉🎉🎉🎉
@statesmogatusi7171
@statesmogatusi7171 3 года назад
Uncle George Swabi. The guitar legend.
@mosopologoletlalo-ks6hg
@mosopologoletlalo-ks6hg Год назад
Setse le mora'agagwe e Seng setse mora'agagwe.
@fredrickkololo9713
@fredrickkololo9713 6 месяцев назад
The music that should never be lost,our heritage.
@user-ke6jy8yr9l
@user-ke6jy8yr9l 4 месяца назад
Original Artist & composer
@selloletlalo5000
@selloletlalo5000 2 года назад
Manye Mangope, Mandebele manye Mandebele maisimani Mandebele manye Mandebele manyisimani.
@kehumiletshepang7542
@kehumiletshepang7542 Год назад
🇧🇼🇧🇼 2023
@ishmaelmogobye
@ishmaelmogobye 2 года назад
Mona o motona Swabi
@peolanemosheti
@peolanemosheti 3 года назад
Nice music 🎶🎧❤️❤️
@thatoale373
@thatoale373 9 месяцев назад
❤❤
@binkitshoswane2848
@binkitshoswane2848 2 года назад
Who is still here in 2022. Cant get enough of this.
@boemosetlhare9181
@boemosetlhare9181 Год назад
Nice song
@stivevino8495
@stivevino8495 10 месяцев назад
Wow!❤
@michaelramakatane1907
@michaelramakatane1907 2 года назад
I love it😍😍
@Makgopha
@Makgopha Год назад
❤ ntutang 4 strings. Our music needs to be documented. You should be able to learn how to play it online just like 6 strings
@zemonazemona6121
@zemonazemona6121 Год назад
Dipina.tota tseditona
Далее
13 Карт - Мафия | 5 серия
08:51
Просмотров 283 тыс.
Insane Coffee trick EXPOSED 😱☕️ #shorts
00:20
Просмотров 3,7 млн
Stiger Sola_Macapentera - Live at the MIAF8
6:08
Просмотров 97 тыс.
Tinto - Matsieng
13:04
Просмотров 609 тыс.
Ranamane - Tsamkoo Official Music Video
3:50
Просмотров 1,4 тыс.
Franco  Ke lela le lona
6:58
Просмотров 159 тыс.
Divorce no.1
4:37
Просмотров 642
Captain Dira - Tsaya Thobane Zebras.FLV
6:35
Просмотров 317 тыс.
Mmereki Marakakgoro - Eat Some more
8:15
Просмотров 76 тыс.
George Swabi  Bagamangwato
8:35
Просмотров 130 тыс.